Puo poko


Gae gaabo kgabo



Kgatleng ,
ga mma ntshalle le ngwana ke sa ya makgoeng
gaabo kgomo ditlotse sekontiri
tshipi tsa makgoa di lomme tonki
ke motsana ya badimo ba iketlile
koo motlhaba o nabileng
gae gaabo kgabo majaborekhu
felo go kopaneng Bakgatla, Barolong, Bakone, Batlhaping
le bo mangmang ba e tlareng ke ba bua batho ba ntshupi ka menwana

ke lesakana la thari entsho
koo bana ba mmala wa sebileo
ba jang mokaragana
gore moloi a sale a otile
ke lefatshe la bonamune le maraka
gaabo tse tilodi
le fa banna ba golo ba ngwadile go digama
baitshepile di autramel le di beikara

ga se ga mmapereko
le fa maiphephi a kile a batla a iphepha
fa batsadi bantse banyakanyakana le nyakanyaka ko nyakelang
ke motse wa badimo
kgoro tsa one di atshela
o ba bone bo tlhogo putswa ke masupa tsela
ke beng mabu, ke maetapele
mosimane ekile a nyatsa
a batla a wela ka tlhogo ka mosima
nta ke itidimmale pele ba mocha ba ntima setsha

gae gabo kgabo
felo gokile ga tsoga turupa
basimane ka botala ekete gofagile e matlho makhubedi
mathari a tshwikidita dinoka gore sekwetshe se kgome maru
go opelwa bo “Thaba tsa mma matsuye”
le bo “Tshilo tsa bo mme”
ke teng koo e reng go nnetswe sekala
o utlwe batho ba bua ka mochaene le “dood-man”


Moretele wa maloba

ke lefatshe le lekileg la bo leretetse go phuthegile Batswana
mme gompieno gatwe ke “Dr J S Moroka”
Moroka a sa itsiwe, o tla itswiwe ke mang a ise a nese pula
se ntebe jaalo wena wa mebala ya boZuma
le wena o mmadile dibukeng
le teng o kwadilwe ka tlhaka dikopana

kana maloba pele langa le phuma
letsatsi le ne le tlhaba dipula di re nela
ga ke lelele maswi a tshologileng
ke mogami wa kgomo tsa mafias,
ke digamma ke labile tsela
gompieo gone ka re langa le phumile
dikolo bo marapyane kgoletshe
di fetogile “di skeleton of education”
dipoko tsa teng dinwa malwa nyakelang
le madubaduba ga a saditsena

bo comorade ke bao ba tshwarana fefing
ba ratana ka ditlhogo tsa rona
baitirela tsa maithatela
ga go ope yo o buang
kana ba le lemogile bakgatla
gore lona loikgatela ke tsa lona
tsa kgatleng ga loditsene

gompieno motes wa kgatleng o buswa ke mmasepala
ka moso le tsoga loduela diterekere tsa Zuma
loa gogagogiwa bana ba batho
bo Nkangala le Bothembisile baitirela fela
logale lo tla thanya ka lengwe la malatsi
le lena la e ma mmogo
la bua ko lontswe le le lengwe
gore e re ditlogolo tsa lona di tla
difitlhele diphetogo e le tsa nnete
e seng dipuopuo di gana go fela.










Botoka o nteke ka lorato


Tshetlhana,
montlenyana wa motse wa gaetsho,
e rile maloba ke go bona,
botle jwa gago boipadile matlhong
goka moso wa tsatsi lwa dikhakologo
o kgabile wa go dira monna a rothise mathe
dirwe e kete di bua le maikutlo a me
ka bo ka sala ke kgothetse maikutlo

motho o ntirelang dilo
wena wa ditoro, mogakatsa maikutlo
mmetla tsholofelo dikakanyong tsa me
kana e rile ke go bona
ka bo ke bone mmago semangmanyane
mmagobasima, motshuma dipone tsa gaetsho
moemisa lapa lwa me

mme tlhang go mpieno
ke tlhanaketse diretse fifing
pelo e tuka ditlhase
tshakalo e mpolaisa lenyora

goreng bogolo o sa nteke maikutlo
goreng o sa nteke botho gongwe re agisane
motse o ate o gole ka rona
e re o gola, o golele thabong
tshaba sa rantsho e re se tsoga sabo se thabile le rona

tshikanosi ke moleka badimo
ntshware ka letsogo ke go neele pelo
e re fa o iketlile ka boruthu jwa yone
fa ke ntse ke goapesitse kobyana
ya rona bokubi, kobyana ya lerato
o bo ontse o nkgodisa
gore e re ka moso banna ba ipoka le nna ke itse go ipaka!




UNTITLED PIECE


ke mokolopi wa mafoko
ke kgwa  molelo wa mantswe
ke sie basimane dipounama di retetse

mogami wa puo-poko o kae
a itseele ka nkgo kgolo tsebe
yone ya go tlhoka sekhurumelo
e sere ka moso banna ba bontshana wa bo o le fifing

ka re wena legatlapa
itlhabe botlhale o anye matlhale
e sere la ka moso le tlhaba
wa bo o otsela ka dijase
ba nna ba tswile letsholo la botshelo

reetsa fa ke bua
kana o tloga o fetwa ke dikgang
o bo o sala o tsaya ka tsaga morakile
etswa o itse siso se le monate seingwaelwa.

Kare tswala molomo
o bule ditsebe
gore motsing di go lebane
o itse go dilepa!




Ngatetsa kgaetsedi


Sa-mma  ngatesta, magatlapa a go lebile
baditshaba ba go supetsana fifing
kgadi ya ba-Matlala ngatetsa
E sere gongwe wa re tshegisa ka baditshaba
tiisa molala o gane nang ya banyana
o ba bone basimane ba tla go dirabanyana-ba
Ka re e re maikutlo a kukegile
pelo e rotha ditete, o itshoke
o o bone monate oo, o tla go babetsa botshelo
itlhotlhe jaaka metsi a le watle
e re dithaka diwetsana ka nko mo nkgong
o ipale makobo go ka thswenyana e boa bontlha
ngatetsa kgaetsedi, o ba bone ba ka go dirakaka